Previous Page  9 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 9 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

9

2,150 ka setlha sa 2020/2021 mme ditono ka dimilione tse 1,613 di setse di

rometswe ntle. Mo go ka nnang ditono tse 475 915 tsa mmidi o mosweu

di supilwe go ya Vietonamo, Taiwano, Japane, Korea le mafatshe a a ba-

pileng le rona (

Sesupetso sa 1

). Gape go na le ditono tse 300 000 tsa mmi-

di o o fetotsweng tse di supiwang go romelwa ntle ka setlha sa thekiso sa

2020/2021 mme ebile ditono tse 148 927 tdi setse di rometswentle.

PHETHOGO YA TLHOTLHWA

Tlhotlhwa ya mo gae e ntse e oketsega ka dikgwedi tse di fetileng; tlha-

tlheletso e ne e le koketso ya tlhotlhwa ya mo lefatsheng ka bophara

mme le maemo a kwa tlase a kakanyo ya tšhelete. Go tloga Seetebosigo

2020, tlhotlhwa ya mmidi o mosweu wa Sedimonthole e oketsegile ka

37,8% mme tlhotlhwa ya mmidi o mosetlhe wa Sedimonthole e oke-

tsegile ka 29,5%. (

Sesupetso sa 2

).

Tebelelopele ya setlha se sentshwa go ya le maano a go uma e

supa tshiamo tota, mme jalo, go solofelwa gore go uma mo gae go

tlaa siama tota ka setlha sa 2020/2021. Go ya le tebelelopele ya CEC,

boikanyo ba go jwala ba 2021 e ka nna diheketara ka dimilione tse di

leng 2,746 tsa mmidi mo go leng diheketara tse di leng 135 200 go

feta bokana ba ngogola. Ka nako ya go kwala athikele e, bontsi ba go

jwala bo sa tlhoka go dirwa mme jalo go sa na le diphatsha tse dintsi

mo tseleng go ya pele, jalo maemo a bosa a sa kgona go fetoga gare

ga dikgwedi tse di latelang.

Fa re lebelela bogongwe ba go fetoga ga tlho-

tlhwa, fa go bonwa tlhaka e e lekaneng, tlho-

tlhwa e ka tlhatlhoga go ya gaufi le ya tekatekano

ya thomelontle, mme dintlha tse dinngwe tsa

go rulaganya tlhotlhwa ke maemo a kakanyo ya

tšhelete le maemo a tlhotlhwa ya bophara ba lefa-

tshe. Fa tlhotlhwa ya mo lefatsheng e sala e le kwa

godimo mme kakanyo ya tšhelete e le kwa tlase

jaaka maemo a leng jaanong, re ka bona tlho-

tlhwa ya tono gare ga R2 800 le R3 400 ka setlha

sa 2020/2021.

Fa tlhotlhwa ya mo lefatsheng e fokotsega

mme kakanyo ya tšhelete e oketsega, tlhotlhwa

ya mo gae e ka fokotsega mme ya ya tlase ga

R2 500. Go khutsafatsa, tlhotlhwa e ka tsamaya-

tsamaya gare ga tlase ga R2 500/tono go oketse-

ga godimo ga R4 500/tono. Fa re tsaya maemo

a dimakhete jaaka di eme jaanong tlhotlhwa

e tshwanetse go nna gare ga R2 800/tono le

R3 200/tono.

2

2019*

2020*

ngw/ngw

phetogo ka % 2019*

2020*

ngw/ngw

phetogo ka %

Phetogelo makhete

ya mo gae

Mmidi o

mosweu

Mmidi o

mosweu

Mmidi o

mosetlha

Mmidi o

mosetlha

Batho

2 322 589

2 655 545

14,34

312 310

311 126

-0,38

Diruiwa

206 218

519 948

152,14

2 562 390

2 159 822

-15,71

Go silwa

5 325

5 664

6,37

5 539

3 224

-41,79

Total

2 534 132

3 181 157

25,53

2 880 239

2 474 172

-14,10

Mmidi o o fetotsweng go dirisiwa mo gae.

Motswedi: SAGIS

*Moranang - Lwetse

2

Phethogo ya tlhotlhwa ya mmidi o mosweu le o mosetlha.

Motswedi: Grain SA

Topo ya mmidi mo gae e sala e siame. Ditono

tsa dimilione tse 5,6 tsa mmidi, di fetotswe go

jewa ke batho, go jewa ke diruiwa le go silwa,

mme ke koketso e e ka nnang 4,5 % mabapi

le lebaka le le tshwanang la ngogola.