Previous Page  15 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 15 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

15

Success isn’t always about greatness.

It’s about consistency. Consistent hard work

leads to success. Greatness will come.

~ DWAYNE “THE ROCK” JOHNSON

W

ORDS OF

ISDOM

Go tshwanetse ga nna leano la tiriso mo tlhogong

ya molemirui mongwe le mongwe ka ntlha ya

gore o tlaa tshwara diphethogo jang le jang.

K

A GO DIRISA TSE RE DI ITSENG, SEREPODI KE

MO BODILONG MO BOTSENO BO LENG TENG

FA RE TSENA MO MOAGONG KGOTSA PHAPO-

SI – FA MONGWE A TSE MO SEBAKENG SEO, O

TSHELA SEREPODI. GAPE GO KA SUPA KGAOLO

YA SEBAKANYANA SA NAKO SE SE RILENG, E LE SEKAO

FA NGWAGA E FELA KA 12H00 BOSIGO RE EME MO SERE-

PODING SE SENTHSWA SA NGWAGA O MOŠWA, MME FA

MONYADIWA A APERE MOSESE O MOSWEU WA LENYALO

A IPAAKANTSHE GO NYALWA O EME MO SEREPODING SA

BOPHELO O MONTSHWA MABAPI LE MOGATSE.

Fela jalo re ka lebelela tshupadikgwedi ya molemirui mme ra lemoga

gore go na le metsotso e e rileng e e leng botlhokwa mo setlheng e e

leng dinakonyana tsa serepodi. Molemirui yo a nang kitso ya ditsamaiso

tsa mo polaseng o tlaa nna le kitso ya boitlelo go itse gore direpodi tse

ke dife, mme molemirui yo o simololang yo a sa ithutang o tshwane-

tse go ithuta mabapi le direpodi tsa mo polaseng le mo tikologong e

a nnang ka go tlhola go botsa balemirui ba ba nang kitso dipotso. Ka

go itse letlha la serepodi sa sejwalwa se sengwe le se sengwe go bo-

tlhokwa thata ka go mo naya sediriswa se a ka se dirisang ka nonofo!

Mme jalo, direpodi tse ke dife tse molemirui a tshwanetseng go

di itse? Go na le direpodi tsa go jwala, tsa go laola mefero, tsa go

laola disenyi le tsa thobo. Mo athikeleng e re ya go lebelela direpodi

tsa go jwala.

NAKO E E TSHWANETSENG YA GO JWALA

Tlhaselo e e tlwaetsweng e e tlhaselang balemirui ba ba tlhabololwang

ke go rulaganya ditšhelete go reka ditokelelo tse di tlhokiwang ka nako

e di tshwanetseng go dirisiwa. Balemirui ba tlhoka go simolola go dira

pele ga nako go rulaganya leano la tiriso ya kgwebo le le siameng ebile

le le ka amogelwang mme a le naya ba ba ka mo adimang madi. Gape

re bone dikai tse dintsi mo balemirui ba supilwe go nna baamogedi ba

madi go tsweleletsa porojeke e e siameng tota – mme fa gongwe madi

a neiwa morago ga nako kgotsa ditokelelo di goroga morago ga nako

mme jalo molemirui o thibelwa go simolola ka ditiragalo mo masimong

ka nako e e rileng ebile jalo ga a kgone go dirisa nako e e tlhomilweng

ya go jwala ka botlalo.

Go kgoreletsa go feta ka gore dijwalwa tse di setse di sala morago

pele di jwalwa mme bokana ba kumo e e ka bonwang bo setse bo foko-

tsega. Morwalo wa boikarabelo o mongwe o rona re o tsereng tsia gago-

lo, re le setlhopha sa Lenaneo la Tlhabololo ya Balemirui la Grain SA, ke

go tswelela go dira le go ruta ba bangwe mabapi le botlhokwa ba sere-

podi sa dinako tsa go jwala tse di tshwanetseng go kgona go bona poelo

mo polaseng.

Dikgwedi tse di leng bollo

Ka tlwaelo re itse gore mmidi ke dijwalwa tse di ratang fa go le bollo.

Mmidi o tlhoka dikgaolo tsa bollo tse di tshwanetseng go nna teng go

mela le go gola. Thepereitšha e tshwanetse go nna gare ga 10°C go 15°C

go kgona go jwala mmidi. Jalo ga go thuse go jwala mmidi pele ga nako

fa go sa le tsididinyana.

Sephiri ke go ema pele gore setlha se kgone go nna se lekalekane

mabapi le maemo a bosa le thepereitšha ka gore go netefatsa go tlhoga

le go mela ga dimela tse dintshwa ka go lekana. Fa go na ga pula go go

gatelela go jwala morago ga nako ya go jwala e e rileng, go botlhokwa

go itse gore o tshwanetse go kgona go fetola maemo a gago mme fa

gongwe o ka tshwanna go lebelela go jwala mofuta wa mmid wa go

mela ka bonako kgotsa gape go tlogela mmidi mme go lebelela mofuta

o mongwe wa dijwalwa o o melang ka bonako. Dibeke tse tharo tsa

ntlha pele ga go jwala di botlhokwa go kgona go bona dimela tse di

siameng mme maemo a tikologo a a tlaa nnang teng a tlaa rulaganya

kgono ya go bona thobo e e lekaneng.

Itse

direpodi tsa go jwala

tse di leba-

neng le ditlha tsa go mela tsa gago

Jenny Mathews, Mokwadi wa

Pula Imvula. Romela e meile go

jennymathews@grainsa.co.za