Previous Page  10 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 10 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

10

R

E SETSE RE LEBELETSE GO NONA GA MMU, GO

LAOLA KUMO YA GAGO MME LE THEFOSANO YA

DIJWALWA MO DITHULGANYONG TSA GO UMA GO

BOPA HUMASE, E E LENG KOTLO YA NTLHA YA GO

MEDISA DIMELA E E TSHWARWANG MO MMUNG

KE DIKGAOLO TSA MOTLHABA, MMOPA LE MOKATA MME E

TSWELELETSA DITSHETSANA TSA MO MMUNG MABAPI LE

MONONTSHA O RE O LOKELANG MO MMUNG MO ATHIKE-

LENG E NNGWE YA

PULA IMVULA

. RE KOPA GORE O BUISE

ATHIKELE E GAPE GO NTSHWAFATSA KITSO YA GAGO MA-

BAPI LE DINTLHA TSE.

Ntlha e e botlhokwa ya go medisa dijwalwa mo mebung ya gago ke go itse

le go tlhaloganya gore pH kgotsa maemo a botšarara mo mmung ke eng,

mo mebung e e farolganeng, e e fitlhelwang mo polaseng ya gago ka go

lekalekantsha fa o rulaganya diteko tsa mebu kgotsa pele ga go simolola go

loga maano go dirisa lenaneo la go lokela kalaka. Fa e le botšarara kgotsa

alekale thata e ka ‘baakangwa’ ka go dirisa mefuta e e farologaneng ya di

kopantsho jaaka kalaka ya kalesitiki kgotsa ya dolomitiki mo lenaneo la nako

khutswane, nakotelelegare kgotsa nakotelele le le rulgantsweng ka kelo-

tlhoko mo tshimong e nngwe le e nngwe ka go feteletsa.

Fa mebu ya gago e e nang kgono e e kwa godimo e e leng boteng e le

botšarara thata o ka fosa go bona bokana ba tlhaka bo bo kwa godimo

ka ngwaga o pula e nang ka go lekana. Ka go oketsa tlhaka e o e bonang

ka ngwaga ka tono e le nngwe kgotsa go feta o ka di kopantsha go nna

ditono tse di leng tse dintsi tota morago ga dingwaga mo go ka oke-

tsang letseno la gago mme jalo go ka go kgonisa go tswelela go dirisa

bolemirui jaaka dingwaga di tswelela. Ka tlhotlhwa e e leng R2 500 ka

tono mo dingwageng tse di ka nnang tse tlhano o ka bona R12 500.

Go dia tshekatsheko ya bothata ba botšarara le tiriso ya lenaneo la go

lokela kalaka o ka latlha madi a mantsi, tota fa poelo e e bonwang ka go

uma tlhaka e ntse e fokotsega mme koketso ya bokana ba kumo e ntse

e tlhoka go oketsega. Tlhotlhwa e e tlhameletseng ya mmidi go ya le bo-

kana ba tlhaka e e ka bonwang kgotsa kgono ya

mmu o o dirisiwang e ka nna gare ga R7 000 le

R10 000 ka heketara mo masimong a a sa no-

setsweng. Ke go re bokana ba tlhaka ba 2,8 t/ha

go 4 t/ha ke bokana bo bo tlhokwang go busetsa

tlhotlhwa ya ditokelelo ka heketara. Fa bokana

bo bo bonwang bo feta bokana bo o tlaa kgona

go duela sekoloto sa tuelo ya polase, tsa go hira

masimo, motlakase le go hira tse dingwe jaaka

go supiwa mo mokgweng wa gago wa go lekale-

kantsha dibuka. Go botlhokwa go atlhola kgono

ya go uma ya gago ka go dirisa dipego tsa po-

lase jaaka o di rulagantse. Bontsi ba balemirui

ba tlhoma bokana go feta kgono ya bona ya go

uma fa ba rulaganya kgono ya bogare ya bona

ka dingwaga.

1

Mofuta wa

dijwalwa

Maemo a pH mo mmung

4,7

5

5,7

6,8

7,5

Bokana ba tlhaka (100 ke kwa godimo mme 0 ke kwa tlase)

Mmidi

34

73

83

100

85

Korong

68

78

89

100

99

Disoya

65

79

80

100

93

Habore

77

93

99

98

100

Luserene

2

9

42

100

100

Majwang

31

47

66

100

95

Bokana ba tlhaka go ya le maemo a pH.

KGATALESEGO

ya go se lokele

kalaka mo mebung e e botšarara

Setshwantsho sa: Jenny Mathews

Richard McPherson, Mokwadi

wa Pula Imvula. Romela e meile

go richard@agrimetrix.co.za