Previous Page  14 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 14 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

14

T

LHOTLHELETSO YA GO KWALA ATHIKELE E KE

ATHIKELE E E KWADILWENG KE ANDRIES WIESE

– ‘JAAKA MATHATA A DITŠHELETE A AFORI-

KABORWA A AMANANG LE KGEBO YA GAGO’,

E E GATISITSWENG MO

FARMER’S WEEKLY

YA

29 NGWANATSELE 2019. MATHATA A A LEBELELWANG

KE PHOKOTSO YA TLHOTLHWA YA MADI, PHOKOTSO YA

MAEMO A KGONO YA GO DIRISA MADI, BOIKANYO BA BA-

BEELEDI BA MADI LE BOELEDINTLE BA MADI. RE KA RE LE

MAEMO A GO GOLA A A KWA TLASE KGOTSA GDP E E KWA

TLASE KE BOTHATA BO BONGWE GAPE.

Go setse go fetile ngwaga, mme ditebelelopele tse di filweng mo athike-

leng di nnile nnete. Ranta e fokotsegile, ke go re tlholtlhwa ya yone e ile

tlase mme ga tlisa koketso ya tlhotlhwa ya dilo tse di romelwang teng,

jaaka ditokelelo tse dingwe tsa rona fa re jwala dijwalwa. Aforikaborwa e

fokoditswe go nna mo maemong a matswapo. Ke go re babeeledi ba madi

mo lefatsheng ka bophara ba bona Aforikaborwa e le lefelo la bodiphatsa

go boloka madi. Go fetola boikanyo ba babeeledi, ba mo gae le ba mo lefa-

tsheng ka bophara, mo Aforikaborwa go fokotsega ka gore babeeledi ga ba

na tlhomamiso ya gore ba tlaa bona poelo e e siameng fa ba dirisa madi a

bona mme tota fa ba ka bona madi a bona a boela mo go bona.

Ka tshimologo ya ngwaga gape go supilwe gore Aforikaborwa e mo

maemong a kgaotso ka gore GDP, e le maemo a go uma, e kwa tlase thata.

Go tshwantshanya le bokgwebo go raya gore lefatshe la rona ga re supe

poelo – tsenyo e tlase ga tiriso. Jalo, re tshwanetse go oketsa bokana ba

madi a re a adimang go duela ditiragalo tsa mmuso jaaka go duela dituelo

tsa badiredi ba mmuso. Go kgwebo maemo a ke tshupetso ya bolaodi bo

bo sa siameng.

Gape, re tlhasetswe ke mogare wa korona le lotlelelo e e e tlisitseng.

Kwa ntle ga ditlhaselo tse di tlisitsweng ke lotlelelo, jaaka re supile mo

athikeleng ya pele, (

Pula Imvula

Lwetse 2020) le mathata a a supilweng

mo temaneng ya pele ga e, setshwantsho se se letobo se se supang

tshenyetsosetšhaba ka ntlha ya thuso ka madi mabapi le mogare wa

Covid-19 se ntshe se phuthologa. Tshenyetsosetšhaba gape e ntse e

fokotsa maikutlo a a siameng go Aforikaborwa mo lefatsheng go ya le

tiriso ya madi.

Dintlha tse ke dintlha tse di maswe thata tse di ntseng di kolopelwa

go balemirui ba rona, ba bannye le ba bagolo. Go ya le bolaodi ba

kgwebo ya gago ya bolemirui o ka lebagana le dintlha tse kgotsa o ka

leka go di tila. Tlhaselo ke gore dintlha tsotlhe tse di kwa ntle ga kgono

ya molemirui, ke dintlha tsa kwa ntle ga ditiragalo tsa gagwe.

Ka mafoko a mangwe, ditswamorago tsa mathata a go ya le tsa

mo polaseng ke mathata a a tsamaelanang le ditokelelo jaaka mafura,

dikhemikale, menontsha le didiriswa mme tlhotlhwa ya tsona e ntse e

oketsega ebile madi a o ka a dirisang mo kgwebong ya gago a ntse e

fokotsega gagolo. Ka fa gongwe, gape ke nnete gore fa tlhotlhwa ya

ranta e fokotsega o neiwa tšhono ya go romela dilo ntle.

A re nne le boikanyo ba go batla go tswelela pele mme ra

ipaakanye go lebagana le dintlha tse di maswe tse ebile ra sekaseka

ditšhono tse di tlaang le mathata a. Bogolo o ka leka go sireletsa diti-

ragalo tsa gago kwa ntle ga go lebelela gore di thubiwa jang. Ga re

kgone go tsaya dintlha tse ka go re ga di kotsi fa re lebagana le bon-

nete ba tsona mabapi le tiriso ya madi, mme di ka nna setsoseletso

sa maikutlo a rona. Go ka nna tshwanelo go lebagana le dintlha tse

go kgona go nna molemirui yo o kgonang go tswelela pele. Batho ba

tshwanetse go ja.

NNETEFATSA GORE DITEKANYO DI NNE TENG

Go lebagana le dintlha tse apara ditshireletso tse o di tshotseng mme

o lebagane le tsona:

• Tlhokomela gore o nne le

thulaganyo ya dipego e e siameng

go

kgona go sekaseka dintlha tsa tirisomadi mo polaseng ya gago ka

tshwanno. Ka go dirisa ditshupetso tsa go dirisa bolemirui ka tlha-

malelo go tlaa thusa go netefatsa go rulaganya dipego tse di sia-

meng mme go tlaa tokafatsa tiriso ya kitso.

• Laola kelelomadi ya gago ka tlhokomelo ka go dirisa

lenaneo la

kelelomadi

la gago tota go ya le go reka dilo. Tlhokomela sentle

go se reke gore go rekiwe fela tota go ya le dilo tse di jang madi

a mantsi (didiriswa, metšhene). Phokotsotlhotlhwa gantsi ga se ya

nnete. Ka go se nne le

lenaneo la kelelomadi

le le siameng o ka se

kgone go laola go elela ga madi a gago ka tshwanno.

• Loala tirisomadi ya gago kgotsa ya mo ntlong ya gago – go thusa

gagolo ebile go siame go nna le ditekanyetso tse pedi tse di farolo-

ganeng tsa tirisomadi. Se tshele ka maemo a o sa kgoneng go a duela.

• Loala tlhotlhwa ya ditokelelo tsa gago ka go dirisa leano la kgwebo

ya polase mme tsaya dikgato tsa go fokotsa tiriso ya madi. Ka go

rulaganya

setlamo sa letseno la madi le le siameng

, go ka kgo-

negwa. Netefatsa gore o dirise bokana bo bo lekaneng ba ditokele-

lo jaaka go supilwe kgotsa jaaka go logetsweng leano.

• Sekaseka maemo a madi a bofelo a kgwebo ya bolemirui ya gago

ka kelotlhoko. Dirisa

sesupatekatekano

sa gago mme lebelela ka

kelotlhoko kgono ya gago ya go duela tse o tshwanetseng go di

duela. Kadimo ya madi ga se tsala ya gago mme sekoloto se se kwa

godimo go feta se usitse balemirui ba bantsintsi. Jaaka go ntse tsa-

lo ya madi e kwa tlase ka ntlha ya segajaja, mme se bone ntlha e e

le tšhono ya go oketsa bokana ba madi a o ka a adimang. Maemo a

tsalo a tlaa oketsega gape kwa pele. Fa o tlhoka go adima madi ruri,

leka go bofa maemo a tsalo a a kwa tlase jaaka go ka kgonegwa.

• Sekaseka mekgwa ya go uma ya gago. Dirisa bolemirui mabapi le

tlhago mme tswelela go tokafatsa boitekanelo ba mebu ya gago.

Dirisa ditshupetso tsa bolemiruitshomarelo, go tlaa tshegetsa

phokotso ya tirisomadi mabapi le ditokelelo tse o di dirisang.

• Botlhokwa thata – a o na le

leano la kgwebo le le lolameng

?

BOKHUTLO

Ditekanyo tse dingwe tse di supilweng fa di setse di tlhalositswe mo dia-

thikeleng tsa pele go tloga mo maemong a a farologaneng mme go di

busetsa gape go gatelela fela botlhokwa ba ditekanyo tse. Gakologelwa

gore thuso ya go fetola le go sekaseka gape maemo a kgwebo ya gago e

teng. Dirisa bonatla bo bo leng teng mo bokgwebo ba bolemirui le dithula-

ganyo tsa bolemirui jaaka Grain SA.

LEBAGANA LE MATHATA A

DITŠHELETE

a Aforikaborwa

Marius Greyling, Mokwadi wa

Pula Imvula. Romela emeile go

mariusg@mcgacc.co.za