Previous Page  7 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 7 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

7

B

ALEMIRUI BA MO MAEMONG A KGATELELO YA

TLHOTLHWA E E TLISWANG KE KOKETSO YA

TLHOTLHWA YA DITOKELELO TOTA LE KOKE-

TSO YA TUELOTLASE YA BADIREDI. MOKGWA O

MONGWE WA GO KGONA GO FENYA KGATELE-

LO YA MOFUTA O KE GO OKETSA BOKANA BA KUMO E E

UNGWANG. MO ATHIKELENG YA PELE RE TLOTLILE KA ME-

KGWA E E FAROLOGANENG E MENGWE GO OKETSA LE-

TSENO LE/KGOTSA GO FOKOTSA TSHENYEGO GO KGONA

GO TSWELELA GO BONA POELO E E LEKANENG.

Ka theo, balemirui ba tshwanetse go leka go oketsa bokana ba kgwebo

ya bolemirui ya bona go kgona go bona ya poelo e e lekaneng ka go

tswelela. Jalo go botlhokwa go atamela kgono e ya go bona poelo ka

mekgwa e e farologaneng.

Mo athikeleng e re tlaa lebelela badiredi ba kgwebo mme le botsalano

gare ga bona le molemirui mo re itseng e le dikutlwanotiro. Kgatelelo ka

ntlha ya ditšhelete e pateletsa beng/balaodi ba kgwebo go lebelela badiredi

ba bona ka mokgwa o mongwe. Tuelo ya badiredi e oketsegile gagolo mme

mo matsatsing a segompieno ke tlhotlhwa ya kgwebo e e kwa godimo.

Go uma mo polaseng go tsamaelana le palo ya badiredi ba ba dirang

tiro, nako e e tseiwang go e dira mme le ditswamorago tsa tiro e ba e

dirang. Fa badiredi ba kgona tiro ka tshwanno, ba boloka nako mme/kgotsa

ba dirisa didiriswa le metswedi ka kgono ka ditswamorago tse di kgotso-

fatsang. Jalo tlhotlhwa ya go uma e a fokotsega mme poelo e a oketsega.

NKA TOKAFATSA GO UMA JANG?

Go kgona go fetsa tiro re dirisa batho mme ba dirisa metswedi (didiriswa

le ditiragalo), jalo

tiro = batho x metswed

i. Batho jalo ke kgaolo e e

botlhokwa go kgona go fetsa tiro mme jaaka mowa wa bona o ntseng

go botlhokwa. Ditshupetso tse re yang go di lebelela di ka dirisiwa kwa

ntle ga palo ya badiredi ba o ba dirisang.

Pele badirisi ba ne ba sa lemoge botlhokwa ba maemo a mowa wa

badiredi mabapi le go uma. Go ne go tseiwa ka bophara gore batho ba ne

ba sa rate go dira, ba ne ba tshwanetse go gatelelwa go dira mme ba ne ba

kgalwa go ba dirisa tiro. Ditswamorago di ne di le dikutlwanotiro tse di sa

siameng. Dilo tsa senyega go fitlha mmuso o simolola go laola dikutlwano-

tiro ka go dirisa molao. Mo Aforikaborwa re na le melawana ya ditiro e e

farologaneng e e kopaneng mo Molao wa Kutlwanotirong. Ka go utlwana

le molao o, badirisi ba setse ba tokafatsa dikutlwanotiro. Le gale, go na le

dintlha tse dintsi kwa ntle ga tse di leng mo molaong tse di ka dirisiwang go

tokafatsa dikutlwanotiro.

Go setse go supilwe gape le gape gore maemo a mowa wa badiredi

a tsamaelana le koketso ya maemo a go uma. Kutlwanotirong ya badiredi

ke ntlha e e botlhokwa mo tikolong ya ditiro go itumela go dira tiro le

go ultwana. Ka bolaodi bo bo sa siameng, setswamorago ke mowa wa

badiredi o o sa siameng mme tota go boela morago go molaodi. Badiredi

ba ba se nang mowa o o sa siameng ba tlaa dira ba iketlile, ba fetsa tiro

fela go e fetsa, ba senya didiriswa le metswedi, ba dira ka mokgwa o o sa

tshwannang, ba goroga morago ga nako mo tirong, ba tsaya matsatsi a

go lwala gape le gape, jalo le jalo. Tsotlhe tse di busetsa tiro morago mme

go fokotsa kgono ya go uma.

Fa badiredi ba tlhotlheletswa ka tshwanno mme ba laolwa sentle, ba

tlaa nna le maikutlo a a siameng mme ba tlaa batla go dira ka boikarabelo

ebile ba tlaa ikgolaganya le modirisi wa bona. Ditswamorago – koketso ya

go uma. Bothata go badirisi ke go tshola badiredi jang go ba tlhotlheletsa

go dira ka tshwanno. Go dirisa batho go ka nna thata tota ka gore batho ga

ba tshwane, ba farolagana ka dintlha tse dintsi jaaka maikaelelo, maikutlo,

dikgono, maemo le ditiragalo.

Ka bokhutswane, o tshwanetse go tshepha badiredi ba gago e le batho

jaaka wena o batla molaodi wa gago a go tshepha. Tshola badiredi ba gago ka

go ba tshepha, ka go ba tlhompha mme o sale o ntse o ba siametse ka dinako

tsotlhe ka go lekana, supa gore o lemoga gore ba batla go dira ka tshwanno,

ba nee boikarabelo, ba rute ka tshwanno go kgona go dira ditiro mme ba nee

tuelo ka go lekana. Buisana le bone gape le gape mabapi le ditebelelopele tsa

gago mabapi le kgwebo ya gago mme ba tlhalosetse gore ba botlhokwa go

kgona tse o di batlang. Se lebale go buisana le badiredi ba gago mabapi le

kgono ya bona ya go uma mme ba supe gore o itumelela tse ba di dirang fa

go tlhokegwa. Se sotlhe badiredi ba gago. Mme gape, gagamatsa dikgole fa

o batla go ba bontsha gore o tlhoka gore ba dire jang. Fa modiredi a le phoso,

tsaya dikgato tse di leng botlhokwa mabapi le mokgwa wa go mo tshwara

jaaka go supiwa mo molaong. Ba tshware ka go tshwana ke kelotlhoko.

Fa re re o tshole badiredi ba gago e le batho ga re re o ba tshole

jaaka dithaka tsa gago, nnyaa kgakala le moo.

Go kgona go uma ka tshwanno le go netefatsa kgono e e siameng mo

kgwebong ya gago, o tshwanetse go utlwana le badiredi ba gago. O tlhoka

badiredi ba ba batlang go dira. Go kgona ntlha e, o tshwanetse go lebelela

gape mokgwa o o tlhomang batho. Netefatsa gore o itse gore o tlhoka gore

motho a nne le dikgono tse dife tse o di tlhokang. A o na le tshekatsheko ya

gore tiro e o batlang gore a e dire e ntse jang? A o ka mo ruta mo tirong? A

o itse dikgono le diphoso tsa modiredi yo mongwe le yo mongwe mme o

mo dirisa ka go di nagana? Ke go re, o ka laola badiredi ba gago jang fa o

sa itse modiredi wa gago yo mongwe le mo mongwe? Go kgona go uma

ka tshwanno motho o tshwanetse go tlhotlheletswa mme a nne le mowa o

o siameng le dikgono tse di tlhokiwang.

Laola badiredi ba gago ka tlhalefo go oketsa kgono ya go uma mme

jalo go oketsa poelo. Koketso ya kgono ya go uma e tlisa phokotso ya

ditshenyegelo mme le/kgotsa e oketsa letsenyo, mo go tlisang tokafatso

ya poelo, mo go tlaa nnang mosola go botlhe ba ba leng mo kgwebong

– modirisi le badiredi.

Go dira gore o

bona badiredi

ba ba

ikanneng

ba ba mafolofolo

Marius Greyling, Mokwadi wa

Pula Imvula. Romela emeile go

mariusg@mcgacc.co.za

Go nna le kutlwano e e siameng le badiredi ba gago go tlaa

oketsa bokana ba go uma mme jalo le poelo e e bonwang.