Previous Page  11 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 11 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

11

GO TLHALOGANYA MAEMO A PH

Maemo a pH a ka lekalekantshwa mo thu-

laganyong ya metsi kgotsa mo thulaga-

nyong ya thibelelo ya dikhemikale kgotsa

mo tlhakatlhakanong ya metsi le kalsiamo

kolorite. Nnetefatsa gore o itse gore o dirisa

efe. Maemo a pH a a tshwanetseng go mela

ga dimela ka tshwanno le pH pH (CaCl

2

) a

supiwa mo

Setshwantshisong sa 1

.

Lenaneo la 1

le naya tshupetso ya kgono ya bokana ba kumo mo

mmung o o siameng mabapi le maemo a pH. E le sekao, fa o jwala mmidi

mo tshimong e e nang pH ya maemo a a leng 4,7 go tshwantsha le pH ya

maemo a a leng 6,8 o ka bona fela 34% ya kgonogodimo e e ka bonwang mo

mmung oo. Mo mmung o o boteng wa maemo a botšarara a le kwa godimo

mo KwaZulu-Natal bokana ba kumo bo oketsegile go tloga 2,5 t/ha go feta

8 t/ha ka go baakanya maemo a pH fa go dirisiwa lenaneo la nakotelele la

go lokela kalaka. Go ka tlhoka go lokela kalaka gape le gape go fitlha ditono

tse tlhano go tse supa tsa kalaka ya mofuta wa kalasitiki kgotsa dolomitiki.

Kalaka ya dolomitiki e e nang magenisiamo e dirisiwa fa maemo a kalsiamo

go magenisiamo mo mmung wa gago a tlhoka go tokafatswa.

Tse ke ditshupetso ka bophara tse di supang maemo a a rileng.

Molemirui mongwe le mongwe o tlaa ikutlwa gore ke tiriso efe ka ditswa-

morago dife fa a lokela kalaka mo mmung wa gagwe jaaka dingwaga di

tswelela. Maemo a a rileng ke gore fa kalaka e lokelwa mo mmung go ka

tsaya dingwaga tse di ka nnang tse tharo pele maemo a pH a a tlhokiwang

a bonwa. Go tsaya diteko ka setlha le setlha ka tatelano mo masimong a

gago go ka supa tswelelopele go maemo a a siameng a pH ya 6,8. Koketso

ya tlhaka e e bonwang gape ke tshupetso ya gore lenaneo le o le dirisang

la go lokela kalaka le siame.

Ka go tsamaelana le bogotlhe ba kgono ya go tsweleletsa katione (

CEC

)

diteko tsa gago di ka boa di supa maemo a go kgora ga botšarara ka 30%

go 40% mo go leng mmu o o botšarara thata. Ka mafoko a mangwe ke go

re 30% go 40% ya dibaka, mo thulaganyong ya kolodiale, tse di tshwereng

kotlo e e botlhokwa jaaka potsiamo, sebabole, le kalsiamo di tserwe ke di-

ione tsa haiderojene. Jalo mmu ga o kgone go tshwara kgotsa go tshwarela

kotlo e e tlhokiwang dimela go mela go bona kgono e e siameng ya go

naya kumo e e lekaneng. Go lokela kalaka go tlaa oketsa kgono ya mmu go

tshwara kotlo e dimela di ka e dirisang ka dikgato tsa go medisa matlhare

le go uma tlhaka.

LEANO KGOTSA TIRAGALOY YA GO BAAKANYA MMU

Tiragalo ya go baakanya mmu ka bogotlhe e ka tlhoka tiriso ya kalaka ya

kalisitiki kgotsa ya dolomitiki go tokafatsa maemo a pH, maemo a gepise

go lekalekantsha sebabole, MAP go tokafatsa maemo a fosofate le KCL

go baakanya maemo a potasiamo. Fa go lokelwa ke mokonteraka go ka

ja madi a a ka nnang gare ga R1 850 le R2 500 ka heketara. Go ka nna go

tura go feta go balemirui ba bantsi mme maemo a a siameng a mmu,

bogolo a ka rulagangwa ka go tsaya dingwaga tse di rileng.

Go tsaya go lokela kalaka fela, tlhotlhwa go ya le bokgakala kgotsa

bogaufi ba molemirui mongwe le mongwe go mo go tseiwang kalaka teng

go ka ja R600 go R700 ka tono fa e foloswang teng mme go e lokela mo

mmung go ka ja R200/ha fa molemirui a dirisa mokonteraka. Balemirui ba

kwa KwaZulu-Natal gagolo ba dirisa didiriswa tsa bona go lokela kalaka.

Tlhomamisa tlhotlhwa ya go dirisa lenaneo la go lokela kalaka, mabapi

le senatla sa mebu le dimela se o se itseng, mme o lekalekantshe tlhotlhwa

e le poelo e koketso ya tlhaka e e ka bonwang e ka e tlisang go ya ka ditlha

tse di latelang. Simolola ka mmu wa gago wa kgono e kwa godimo mme

loga maano go baakanya tshimo e nngwe le e nngwe mo polaseng ka o

tsaya e nngwe le e nngwe jaaka dingwaga di tswelela go phatlhalala tlho-

tlhwa ya lenaneo le diphatsha tse di ka bonwang go kgwebo ya bolemirui

ya gago.

BOKHUTLO

Balemirui ba ba nang kitso, dinatla tsa go itse mebu le dimela, barekisi ba

monontsha, baemedi, le dinatla tse dingwe ba ba nang kitso, ba ntse ba

re ‘tirisokalaka’ e siame tota. Mme lebelela ditswamorago tsa maemo a

ditšhelete le diphatsa pele o simolola go dirisa lenaneo la go lokela kalaka.

Le dirise ka dikgato ka go tsaya tshimo e nngwe le e nngwe ya mmu o o

maemo godimo mo polaseng ya gago. Balemirui bao ba ba nang kgono ya

go dirisa madi a a fiwang ke mmuso ba tshwanetse go dirisa kgono e, ka

bonako jaaka go ka kgonegwa, go lokela kalaka mo mebung ya bona go le

tshimologo go aga mmu o o siameng o o tlaa netefatsang go bona kumo

ka go lekana kwa pele.

1

Maemo a pH a le 5,2 go 8,0 a naya maemo a a

kgonogodimo go dijwalwa tsa bolemirui tse dintsi.

Kgasetso ya kalaka.

Setshwantsho sa: Jenny Mathews

Go loga leano – go gasetsa kalaka ka segasetsa sa monontsha.

Setshwantsho sa: Jenny Mathews