Previous Page  13 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 13 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

13

Dimela di ka dirisa kotlo e fa di e tlhoka ka dikgato tse di faologaneng tsa

go mela le go thuntsha dithunya.

Dikatione ke dikgaolonnye tse di tlhatlhetsweng ka kgaolo ya motlakase

ya koketso tsa khemikale tse di fitlhelwang go bapa le dikgaolonnye tse

dingwe tsa khemikale kgotsa mo dikgaolonnye tsa mmu. Dikgaolonnye tse,

di tlhola di sutasuta go tswa mo kopanong e nngwe go ya mo go e nngwe

mo popegong ya motheo ya dikgaolonnye ya mmu le thulaganyo ya mmu

ya sedikobophelo sa ditshedinnye tse di leng mo mmung.

Mebu e tseiwa diteko go bona kalsiamo (Ca), magenesiamo (Mg),

potasiamo (K), sodiamo (Na), amoniamo niterojene, dikgaolonnye tse

dingwe le dikgaolonnye tsa diminerale tse di leng botlhokwa. Dikgao-

lonnye tse di tlhatlhetsweng ka kgaolo ya motlakase ya koketso (+) tsa

kotlo di itsewe di le metheo. Di ka nna le tlhatlhetso ya koketso e le

nngwe kgotsa tse pedi. Dikgaolonnye tse di tlhatlhetsweng ka kgaolo

ya motlakase ya phokotso (-) di itsewe e le dianione.

Fa o akanya dimakenete tse pedi, e nngwe le e nngwe ka kgogedi ya

borwa le bokone – fa o kopantsha dikgogedi tsa bokone kgotsa tsa borwa

dikgogedi tse di tshwanang di tlaa tlhalwana ke maatla a bomakenete.

Kgogedi ya bokone le kgogedi ya borwa fa di kopantshwa di tlaa kgatlhana

mme di tlaa gogana go kopana. Fela jalo, ka mafoko a mangwe, dikgao-

lonnye tsa kotlo tse di tlhatlhetsweng ka kgaolo ya motlakase ya koketso

kgotsa katione di tlaa batla go kopana le sefatla se se tlhatlhetsweng ka

kgaolo ya motlakase ya phokotso.

Difatla tse di tlhatlhetsweng ka kgaolo ya motlakase ya phokotso di

fitlhelwa mo dikgaolonnye tsa mmung tota mo popegong ya dikgaolonnye

tsa humase. Dikgaolonnye tsa katione di farologana ka bokana ba pope-

go le bokana ba motlakase. Tlhakatlhakanyo ya dikgaolopalolekgolo ya e

nngwe le e nngwe mo thulaganyong ya dikatione tsotlhe mo mmung e

itsewe e le petiso ya motheo. Kgotsa, ka mafoko a mangwe, ke bokana bo

bo kana kang ba kotlo ya mofuta mongwe le mongwe bo bo tlhokiwang ke

dimela bo bo tshwerweng mo mmung o o rileng.

Tekatekano e e siameng jaaka e supilwe ke Dr Albrecht le babatli-

sise ba bangwe ke:

Kalsiamo 60% go 70%, magenesiamo 10% go 20%, potasiamo 2% go

5%, sodiamo 0,5% go 3%, dikatione tse dingwe kgotsa tsa motheo 5%.

Botšarara kgotsa maemo a pH a mebu mo lenaneong la go lokela

kalaka gagolo bo tlaa supa gore tekatekano e e filweng fa godimo ya

kotlo e kgonwe. Ditekatekano tsa fa godimo di supiwa ke dilaboratori

tse dintsi kgotsa di ka balabalwa ka go dirisa dipalo tse di kgaoga-

ngweng tse di supiwang mo pegong ya teko ya mmu. Tshwantsha

maemo a teko ya mmu wa gago le tse di tshwaneseng tse di filweng

fa godimo. Dipalo ka tlwaelo di supiwa ka dimiligeramo tsa kotlo e

nngwe le e nngwe e e leng teng mo kilogeramong ya mmu.

Jalo, CEC ke selekanyo sa gore mmu wa gago o siame ka bokana

bofe go tshwara kotlo e e tlhokiwang ke dimela. Dilaboratori tse dingwe

di supa ntlha e e le ‘

Total Exchange Capacity’ (TEC)

, ke gore kgono ya

kananyo. Mmu o o motlhaba thata ka dikgaolonnye tsa humase tse di

seng tse dintsi kgotsa tse di seng teng gagotlhe o tlaa supa palo ya

CEC

e e kwa tlase thata mme mmu o o noneng thata ka dikgaolonnye tse

dintsi o tlaa supa palo ya

CEC

kgotsa

TEC

e e kwa godimodimo.

BOKHUTLO

Lebelela dipego tsa diteko tsa mebu tsa gago mme o bone gore di lekale-

kana jang le tse di supiwang gore di siame tota. Mme tlisetsa diphethogo

tse di tlhokiwang mo mokgweng wa gago wa go suga mmu le lenaneo la

tiriso ya monontsha la gago go tokafatsa mmu wa gago go bona bokamoso

bo mo wena o ka tswelelang pele.