Previous Page  4 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 4 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

4

K

A NAKO E YA NGWAGA BONTSI BA DITOKELELO

TSA GO UMA MMIDI DI TSHWANETSWE GO SALA DI

LOKETSWE MO DIKGAOLONG TSA BOTLHABA TSA

LEFATSHE LA RONA. TIRISO YA DIBOLAYAMEFERO

LE TOKELELO YA MONONTSHATHOKO A KA SALA E

DIRWA MO DIKGAOLONG TSA GO UMA TSA BOGARE JAAKA

TSA KWA FOREISETATA LE BOKONEBOPHIRIMA. GAPE GO

BOTLHOKWA GO SALA GO TLHOKOMETSWE DIPHETLHU MO

DIKUTUNG TSA MMIDI.

Go na le mefuta ya disenyi e e farolganeng mo kgaolong e mme jalo

kopana le moemedi wa malwetse go netefatsa gore o dirise khemikale e

e tshwanetseng ka tshwanno.

Go kopa thuso ga se tshupetso ya bokoa mme ke tshupetso ya

thata. Gape go ntse jalo mabapi le malwetse a matlhare a mmidi. Go

dirisa khemikale ka phoso go ka se laole malwetse, tatlhego ya kumo

e ka bonwa mme o tlaa nna o duela khemikale eo. O ntse o betswa ka

seme se se gonaganeng.

Marothodi a matlharemasetlha, motšhalomatlhareng wa dibake-

teria le ditshupetso tsa phisego/komelelo mo matlhareng gantsi ga di

farologangwe fa di bonwa ke motho yo o se nang kitso e e tsenele-

tseng. Bolaodi ba mathata bo farlogana gagolo, mme fa gngwe ga go

kgonegwe. App ya founo ya ba peo ba Pannar, e e bitswang

Sprout

,

ke motswedi wa kitso e e siameng tota. E khutswafatsa ebile e tlhalosa

bontsi ba malwetse a a bonalwang mo mmiding mo Aforikaborwa. E

kgonisa balemirui mabapi le baemedi ba bolemirui le dikhemekale go

laola malwetse ka dikhemikale tse di tshwanetseng ka tshwanno.

Pele malwetse a mo matlhareng a mmidi a kgona go tswelela a tlhoka

maemo a a rileng mo tikologong a a a siametseng. Gape, dikgato tsa go

mela tsa dimela di tshwanetse go tshwanela malwetse a mangwe pele a

kgona go tswelela.

Malwetse a matlhare a mmidi a molemirui a tshwanetseng go a

tlhokomela a supiwa mo

Lenaneo la 1

.

BOLWETSE BA POPOLOGO YA MATLHARE BA BOKONE

Bolwetse bo bo bonalwang gantsi mo dikgaolong tsa go uma mmidi mo

Aforikaborwa ke bolwetse ba popologo ya matlhare ba Bokone (phori

e thsweu)

Setshwantsho sa 1

. Maemo a tikologo a a tsweleletsang

bolwetse bo ke maemo a themperietšha ya bogare (18°C - 27°C), maemo

a metsi a mantsi le dinako tse telele tsa monyo. Nngadule e phela mo di-

salela tsa matlhare a mmidi, mme go simolola dikgato tse di farologaneng

tsa bolwetse jaaka setlha se ntse se tswelela go tswa mo ditlhomamiso tsa

bolwetse bo.

Dintho ka tlwaelo di bonwa ka fa tlase ga matlhare a ntlha, mme

jaaka difeteletsi di kolopiwa fa maemo a tikologo a di tshwanetse,

matlhare a kwa godimo a simolola go supa bolwetse mme o ka re

bolwetse bo tswelela go tloga tlase ka go ya godimo mo semeleng.

PHORI E E TLWAETSWENG

Phori e e tlwaetsweng (

Setshwantsho sa 2

) ka tlwaelo e bonwa la ntlha

mo dijwaleng tsa mmidi tse dintshwa. Maemo a tikologo a a tsweleletsang

bolwetse bo ke thempereitšha ya maemo bogare (16°C - 25°C) le metsi a

mantsi mo moweng (>95% ya metsimoweng). Phori e e tlwaetsweng e

tsweleletswa ke maemo a monyo/mouwane – tota bosigo fa di ditswele-

letsi mo godimo ga matlhare di simolola go tlhoga mme di tsenelela mo

matlhareng ka go tsena ka diphatlhanyana tsa go hema tsa matlhare.

Ditshupetso tsa ntlha di bonala mo go ka nnang matsatsi a a leng a

matlhano go tloga go simolola ga bolwetse fa go bonala dimarothodi a

mannye mo matlhareng, mme dithompola tsa nnete (morago ga matsa-

tsi a a ka nnang 10 go 14) (Setshwantsho sa 2) di simolola go mela mme

di kolopa ditsweleletsi tsa tsona go tsweleletsa bolwetse. Fa di kolopiwa

ditsweleletsi tse di tseiwa ke phefomme di tlala tshimo yotlhe. Di ka lwadisa

semela se di tswang mo go sona gape le gape.

MAROTHODI A MATLHAREMASETLHA

Bolwetse bo bongwe ba matlhare a mmidi ke marothodi a matlhare-

masetlha (

Setshwantsho sa 3

). Maemo a tikologo a a tsweleletsang

bolwetse bo ke maemo a thempereitšha bogare kgotsa godimo le me-

tsimoweng gagolo (>95%).

Tlhok

o

mela

MALWETSE A MO

MATLHARENG

a mmidi

Pietman Botha, Mokwadi wa

Pula Imvula. Romela emeile

go pietmanbotha@gmail.com

Bolwetse ba popologo ya matlhare a mmidi ba Bokone.

1

Phori e e tlwaetsweng.

2