Previous Page  8 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 8 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

8

M

O ATHIKELENG E RE TLAA LEBELELA SETLHA

SA DIMAKHETE SA 2020/2021, GO YA LE NEE-

LO LE TOPO MME LE TLHOTLHWA.

MAEMO A DIMAKHETE MO

LEFATSHENG KA BOPHARA

Tebelelopele e e supang gore go ka bonwa mmidi o mo

kana kang mo setlheng se sentshwa e siame tota, ka go

re kumo e e ka bonwang e ka feta ya setlha se se fetileng

ka 2,8%. Le gale, go na le ditshupetso tsa gore bosa bo

ka fetoga mo dikgaolong tsa go uma tse dingwe mo lefa-

tsheng la rona mo go thibelang go roba le go jwala, ebile

go tsamaelana le topo e e kwa godimo, tota go tswa mo

Tšhaena. Maemo a a supiwa ke koketso ya tlhotlhwa mo

mafatsheng a a umang mmidi ka bontsintsi jaaka Amerika,

Ukeraine, Borasele le Argentina; e le setswamorago, re

bone koketso ya tlholthwa le mo Aforikaborwa, ka ntlha

ya maemo a go uma mo tikologong mme le ka ntlha ya

maemo a kakanyo ya tšhelete mo mafatsheng ao e ba-

pang le dimakhete tsa mo gae.

MAEMO A DIMAKHETE MO GAE

Go ya le ditlhaka tsa SAGIS, ka mafelo a kgwedi ya

Diphalane go gorogile ditono tse di ka nnang dimilione tse

13,8 e le dimilione tse 7,9 tsa o mosweu mme le dimilione

tse 5,9 tsa o mosetlha, mo go kopanang go nna 93,6% ya

bokana bo bo supilweng ke Komiti ya Tekanyetso ya Tlhaka

(CEC) (

Thulaganyo ya 1

).

Ga go makatse fa re se na thomeloteng ya mmidi, fa re

tsaya tlhaka e ntsi ya setlha. Tebelelopele ya thoto ya me-

felelo e e tlaa salang ka mafelelo a setlha (30 Mopitlwe

2021) e supiwa gore e ka nna ditono ka dimilione tse di ka

nnang 1,887. Fa re dirisa ditono tse di ka nnang 939 083 ka

kgwedi, e le bogare, go raya gore re tlaa nna le thoto e e

lekaneng go dirisiwa dikgwedi tse pedi kgotsa matsatsi a le

61 kwa mafelelong a setlha, pele thoto e ntshwa e goroga

kgotsa e romelwateng.

Topo ya mmidi mo gae e sala e siame. Ditono tsa di-

milione tse 5,6 tsa mmidi, di fetotswe go jewa ke batho,

go jewa ke diruiwa le go silwa, mme ke koketso e e ka

nnang 4,5 % mabapi le lebaka le le tshwanang la ngogo-

la. Fa re lebelela

Thulaganyo ya 2

, go fetola ga mmidi

o mosweu go oketsegile ka 25%, ka go jesa diruiwa go

tsereng bontsi ba mmidi o mosweu. Go nile phokotso

ka bophara ya 14% ya go fetola mmidi o mosetlha fa

go bapisiwa le lebaka le le tshwanang la ngogola, mme

phokotso e kgolo e le ya go silwa.

Go ya ka tebelelopele ya neelo le topo, bokana ba go

romelwantle ba mmidi e ka nna ditono ka dimilione tse

Maemo a dimakhete

tsa go

rekisa mmidi a setlha se se latelang

Ikageng Maluleke, Raitsholelo wa

Bolemi, Grain SA. Romela emeile

go Ikageng@grainsa.co.za

1

2019/2020

2020/2021

Neelo

Ditono

Ditono

Thoto ya go simolola

2 663 086

1 000 601

Thoto e e gorogang

10 887 053

14 750 220

Thomeloteng

509 684

0

Kgorogo pele ga nako

15 057

-1 241

Lefetiso

22 336

28 000

Neelo ka bogotlhe

14 082 159

15 777 580

Topo

Topo mo gae

11 106 412

11 269 000

Thomelontle

1 745 000

2 560 000

• Ditswammidi

360 812

300 000

• Tlhaka ya mmidi

1 448 761

2 150 000

Topo ka bogotlhe

13 081 558

13 890 500

Thoto ka mafelelo (30 Moranang)

1 00 601

1 887 080

Neelo le thoto mo gae.

1

Thomelontle ya mmidi o mosweu le o mosetlha ka beke.

Motswedi: SAGIS