Previous Page  12 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 12 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

12

K

HOLOMO E NNGWE MO PEGONG YA TEKO YA MMU

WA GAGO E NA LE TLHOGWANA E E RENG ‘

CATION

EXCHANGE CAPACITY

(CEC)

’, KE GO RE KGONO YA GO

FETELETSANA LE GO TSHWARA MEFUTA YA KOTLO

E E FAROLOGANENG, MME GANTSI GA E TLHALO-

GANGWE. KE NTLHA E E BOTLHOKWA THATA YA MEBU E E

TSHWANETSENG GO ELWA TLHOKO GO KGONA GO LEBELELA

GO NONA GA MMU, PHETHO YA TIRISO YA KALAKA MORAGO

GA DINGWAGA TSE DI KA NNANG TSE THARO KGOTSA GO

FETA, GO LEKALEKANA GA DIMINERALE TSE DI MO MMUNG

MME LE GO NNA TENG GA MONONTSHA O O LOKETSWENG

EBILE LE MAEMO KA BOPHARA A GO NONA GA MMU.

MEBU

Mebu yotlhe e bopilwe ka dikgaolo tse nne go simolola – diminerale,

mowa, metsi le dibodi. Mmu wa mofuta o o rileng ka tlwaelo o bopilwe ka

45% e le diminerale, 25% e le metsi, 25% e le mowa mme le 2% go 5% e

le dibodi. Diminerale di ka nna tsa dikgaolo tse di farologaneng tse tharo ka

ntlha ya bokana tse di leng motlhaba, mmukgogodi le mmopa. Bontsi ba

kgaolo e nngwe bo dirisiwa go taya mofuta wa mmu e le motlhaba, mo-

tlhaba wa mokata, mokata wa motlhaba, motlhaba o mosesane wa mokata,

mokata, mmukgogodi, mmukgogodi wa mmopa wa mokata, mmopa wa

mokata le mmopa.

DITSHETSANANNYE TSA MO MMUNG

Mo thulaganyong e e raraaneng e e supiwang fa godimo mmu o tletse

ditshetsanannye tse di farologaneng tse di ka nnang dibaketeria, diakati-

nomisete, mekobo, meuta, malele, porotosoa, dinematode, ditsenekegi,

diboko, mme le medi. Boima ba ditshetsanannye tsotlhe tse mo kgaolong

ya mmugodimo e e ka nnang dimilimetara tse 175 bo ka nna 7 000 kg/ha.

Mmu jalo ke tikologo e e phelang mo re jwalang dimela tsa rona go bapa

le menontsha ya dikhemikale.

DIBODI LE HUMASE

Dibodi ke kgaolonnye ya mmu e e bopiwang ka ditshetsanannye tse re di

supileng fa godimo mme le fa disalela tsa dimela tse di tshelang tsa dimela

tse di robilweng tsa pele di sala mo mmung ka go bola ka maemo a a late-

lanang. Humase ke molekule e e marara thata e e gokaganeng ka botelele

e e ka atlholwang fela fa go dirisiwa maekorosekoupu mme e bopiwa ka

kgato ya go bola ya bofelo ya dibodi. Humase e ka bopiwa ka dikgaolo tse

ditshetlha kgotsa tse dithokwa mme di ka bonwa di le mo mmung morago

ga go simolola go dirisa mekgwa ya go suga mmu ga nnye fela kgotsa ya

tshomarelommu.

Lebelela mmu o o nyerolositsweng go feta ka go dirisa mogoma o o

segang, o o se nang disalela tsa dimela mme tota le dibodi tse palonnye

mme o di tshwantshe, fa go ka kgonegwa, le mmu wa moagisani kgotsa

wa tshimo e e gaufi mo go dirisitsweng mokgwa wa go suga mmu wa

tshomarelommu. Tshwantsha mesima e mebedi mo go tserweng diteko

tsa mmu. Dillaga tsa humase di ka bonwa. Nagana gore go tsaya dingwaga

tse di latelanang tse dintsinyana tsa go dirisa mokgwa wa tshomarelommu

go kgona go rulagana go nna teng ga humase. Mmu o o nang 4% ya dibodi

go kopana le humase e e leng teng o ka naya naiterojene e e ka nnang

dikilogeramo tsa 200 e eka dirisiwang ke dijwalwa. Ke poloko e e siameng

ya madi a a tshwanetseng go reka naiterojene (N) go e lokela mo mmung.

Fa o ka balabala makwalo a dipatlisiso tsa Dr William Albrecht mabapi le

mebu o tlaa lemoga gore o amogela kitso le thuso ya go tokafatsa mebu

mo polaseng ya gago. Mebu le bolaodimmu ke kgang e e bokete tota.

DIKATIONE KE ENG?

Kotlo ya dimela e tshwarwa mo motlhabeng wa mmu, mmopa le

mmukgogodi kgotsa thulaganyo ya dikgaolonnye. Mo mmung mo di-

kgaolopopego di lekalekane thulaganyo ya dikgaolonnye e ka tshwara

didiriswa le tse dingwe tsa dikgaolonnye di le mo lefelong le le lengwe.

Tlhogwana e e reng CEC mo

TEKONG YA MMU wa gago e raya eng?

Richard McPherson, Mokwadi

wa Pula Imvula. Romela e meile

go richard@agrimetrix.co.za