Previous Page  3 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 3 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

3

jesa diruiwa tsa rona e e lekaneng go fokotsa kgatelelo le tshenyegelo ya

madi fa re tlhoka go jesa diruiwa tsa rona ka dikgwedi fa go omile thata

mme jalo re tshwanetse go lebelela go oketsa bokana ba majwang le

mafulo a re a jwalang.

Go uma ka kgono mo kgwebong e nngwe le e nngwe go ka

sekasekwa ka go botsa dipotso jaaka:

• Kgono ya go uma ka tshwanno – ke kgona jang go bona dikeletso

tsa kgwebo ya ka?

• Kgono ya go dira ka tshwanno – tlhotlhwa ya go bona dikeletso tsa

ka e kana kang?

Molaodi ke motho yo o logang maano, yo o rulaganyang, yo o supang tsela

mme le yo o laolang tiriso ya batho, kitso ya ditšhelete le metswedi fa go

salwa morago dikeletso tsa kgwebo mme fa wena o le molemirui, go teiwa

WENA! Awena o kgona go sekaseka le go tlhokomela ditiragalo tsa gago fa

o loga maano go tsweleletsa tsa bolemirui tsa gago? A o kgobokanya kitso,

o tlhola o sekaseka tikologo ya bolemirui, o lekalekantsha kgono ya badiredi

ba gago, dikoloi le didiriswa tsa gago, ditshimo tsa gago? O tlisa dikakanyo

tse di tseneletseng tse kana kang go ditiragalo tsa bolemirui tsa gago?

Go tsuolola dikaelo tse di tlwaetsweng mo kgaolong ya bolemirui

Fa gongwe phethogo ga e a tsenelela e le tlhopho ya gago, e le sekao,

fa gongwe re tlhoka go tsentsha dijwalwa tsa mofuta o mongwe mo

maemong a boraro mo lenaneong la rona la thefosano ya dijwalwa

kgotsa re tlhoka go hira tshimo e nngwe gape go kgona go simolola

go tsweleletsa lenaneo la thefosano ya dijwalwa la rona; mme gantsi

botlhokwa ba go fetola bo ‘mo sefatlhegong sa gago’ mme go a go tena

ebile ke tlhaselo tota. Ga go na ope mo go rona yo o laletsang komelelo

kgotsa phethogo ya tlelaemete mo bophelong ba rona mme ka nnete re

tshwanetse go lebagana le dintlha tse ra tlwaetsa dithulaganyo tsa rona

tsa bolemirui go kgona ditlhaselo tse.

Go botoka go re go se fetole mme ga se go re go tlhalefile

Netefatsa gore dintlha tsa go se batle go fetola ga se diipato tsa gago

fela mme e le go leka go sala mo maemong a o a tlwaetseng: Ga ke

na nako; ga go na madi a a lekaneng; ke tsofetse, ga go na nako ya

go fetola; ga ke itse go fetola jang; ke itse jang gore go tlaa siama

… phethogo e tlhoka sebete.

Ke gakae re tshwanetse go lebelela dikakanyo tse dintshwa mo

kgaolong ya bolemirui?

Mo dingwageng tse 40 tsa go dirisa bolemirui re setse re bone

diphethogo tse dintsintsi tse re neng re tlhoka go di dirisa, jaaka tsa

thekenoloji, diphethogo mo maemong a topo ya badirisi ba kumo,

dithulaganyo tse di tokafaditsweng, kgatelelo go uma ka tshwanno

mo sefatlhegong sa phokotso ya tlhotlhwa e re e bonang, diphethogo

mabapi le tsa diinšorense le ditšhono mabapi le tiriso le kadimo ya

ditšhelete. Ra utlwa:

• ‘Botona ke botoka’ – a ke go re ditiragalo tsa ka tsa bolemirui tse

dinnye ga di a siama mme di ka se kgone go tswelela?

• ‘Go suga gannye’, ‘go se suge gope’, ‘tshugotshomarelo’ – lefoko

le lentshwa ke ‘bolemirui bo bo iphedisang’; – ke mokgwa ofe o o

tshwanetseng nna? Ke mokgwa ofe o nka kgonang go o duelang?

• ‘Bolemirui mabapi le go tlhaloganya tlelaemete’– ke molemiruinnye;

nka kgona jang go tlwaela bolemirui mabapi le go tlhaloganya tle-

laemete? Ke mang yo o itseng gore ke eng se se leng botoka mo

kgaolong ya lefatshe e ke leng mo go yona? Ke utlwelela mang?

BOKHUTLO

Nna le sebete mme o lemoge gore kgatelelo ya go fetola e ntse e sala

e le teng. Ga se go re tsotlhe di tshwanetse go fetoga. Le gale, re

tshwanetse go kopana, ra ithuta, ra reetsa fa ba ba itseng ba bua mme

ra lemoga gore go tlwaela mefuta e e farologaneng go pinagare mo

bophelong le mo ditiragalong tsa molemirui. Balemirui ba ba kgonang

ba botlhokwa go aga lefatshe la rona. Go itlhabolola o le mongwe

fela mme le fa o le molemirui ke ntlha e e botlhokwa tota. Go nna le

tumelo ya go utlwalela, ya go ithuta le ya go fetoga ke tshimologo ya

go kgona. Ntlha ya bofelo: ‘Maabane ke ne ke tlhalefile mme ka batla

go fetola lefatshe. Gompieno ke tlhalefile mme ke a iphetola!’