Previous Page  2 / 16 Next Page
Information
Show Menu
Previous Page 2 / 16 Next Page
Page Background

MADE POSSIBLE BY

THE MAIZE TRUST

2

M

AFOKO

A G

A…

Jannie de Villiers

G

O NNILE NGWAGA WA BOLOEMIRUI O O SIA-

MENG MO AFORIKABORWA KA SETLHA SE

SE FETILENG. DIJWALWA DI NE DI SIAME,

KWA NTLE GA BONNETE BA GORE PULA E

NELE MORAGO GA NAKO. TEBELELOPELE

MABAPI LE BOSA E SUPA MAEMO A A SIAMENG TOTA.

KGAOLO E BALEMIRUI BA BA SIMOLOLANG BA BONANG

MATHATA TOTA MO GO YONA KE GO ADIMA GA MADI GO

JWALA DIJWALWA. TEKO YA GO LEKA GO BA THUSA YA

DIBANAKA E A SWABISA. FA DILO DI SA FETOGE, RE KA SE

BONE TSWELELOPELE MO KGAOLONG E YA BOLEMIRUI.

Fa gongwe ke nako ya go lebelela Molaokadimo go repisa mela-

wana ya go uma dijo. Gape re bona boatla fa re lebelela ditiragalo

tsa mmuso mabapi le diporojeke tsa bolemirui. Madi a a lekaneng

a teng, mme go reng a tlhola a fitlha morago ga nako ka ngwaga le

ngwaga ke karabo e re ntseng re sa e amogele. Botlhokwa ba boele-

di ba madi mo Banka ya Naga le bona ga bo thuse. Ke thulaganyo ya

mmuso e e tshwanetseng go dira ka tshwanno fa tlhabololo e le tiro

ya yona. Ke na le mathata go dumela gore mmuso o na le kgono ya

go epolola SAA gape le gape, mme e seng Banka ya Naga.

Etswa, go sita mathata otlhe a a go bona madi a a ka dirisiwang

ke balemirui, bokana ba kumo ka ditono e ntse e oketsega. Mowa wa

go tswelela wa balemirui ba Aforikaborwa o itsege mo lefatsheng

ka bophara mme e ntse o le teng le mo balemirui ba ba simolo-

lang. Seane sa ‘

Molemirui o tlhola a loga maano

’, se mo nameng

ya molemirui monge le mongwe, kwa ntle ga gore o dirisa naga e

kana kang. Lenaneo la Tlhabololo ya Balemirui ya Grain SA le saenile

ditumelano tse dintshwa le banei go tshegetsa balemirui ba rona

ka go ba adima madi. Ditumelano tse dingwe tse di tswelela ka di-

ngwaga tse di ka nnang tse nne. Go tlhotlheletsa e le ruri. Balemirui

ba ba leng mo lenaneo le le loalwang ke Grain SA ba kgonne go

tswelela sentle mme banei ba tlhotlheletswa ke ditswamorago tse

ba di bonang.

La bofelo, Grain SA e loketse madi gape go tlhabolola balemirui.

Re rulagantse khamphani e ntshwa e e leng: Phahama Grain Phaka-

ma. Khamphani e e tlaa lebelea fela tlhabololo ya balemi ba tlhaka

mme e tlaa etelelwapele ke baeteledipele ba Grain SA e bile e tlaa

laolwa ke badiredi ba Grain SA.

Ke batla go le eleletsa thobo e e lekaneng ka 2021. A Modimo

a re nesetse pula ka go lekana. Le jeng Keresemose e e monate

mme le bone ngwaga o moswa o o siameng o o se nang COVID.

Phetogo e ka se thibelwe...

didmala, mme letsatsi le le latelang a tlhoma kopano gore ba sekaseke

go utlwa ka ditsebe tsa gagwe, mme gape a tlhoma kopano go lebele-

lwa sentle ke ngaka. Gape a tlhomamisa gore kwa ntle ga go emela

batho gore ba mo leletse mogala, ene o tlaa leletsa mogala mongwe le

mongwe yo a mo itseng ka letsatsi le letsatsi go utlwelela dikgang tsa

bona … mme a dira jalo!

Ka beke e e latelang a tsaya e nngwe ya difenitšhara tsa kgale a si-

molola go e gotlha le go e baakanya mme morago ga diawara ya fetoga

gonna jaaka e ne e le e ntshwa – go fitlhelela gore bana ba kope go e tsaya.

Tiragalo e ya simolola tatelano ya ditiragalo tse di makatsang. A simolola

go ya kwa dithekisong mo a rekang difenitšhara tsa kgale tsa kgong tse a

di baakanyang sentle go di naya batho. Fela jalo matsatsi a gagwe a ne a

tletse ka ditiragalo tsa boitumelo. Ka nako ya lotlelelo o ne a sa kgone go

ya dithekisong mme gape le ope yo a ka buang le ene, mme jalo kwa ntle

ga go se dire sepe a simolola, le fa a ne a se itse go betla dikgong, go bopa

dilwana tsa go tshameka tsa bana. Ka nako ya bophelo ba gagwe ya go bala

dingwaga tse 86 o ntse a ithuta dikgono ka letsatsi le letsatsi. Boikanyo ba

gagwe bo ntse bo oketsega ka letsatsi le letsatsi. Ntate o fetogile. O a ratega

mme o ntse a tsweleletsa letswao la gagwe la go rata batho ka letsatsi le

letsatsi. O sa nagana Mme ka letsatsi le letsatsi – mme o phela bophelo bo

bo siameng ebile o tlhotlheletsa ba bangwe go phela ka boitumelo jaaka

batlhogolo ba gagwe fa ba tshameka ka dikoloi le dillori tse a di bopang! Ga

go na tswelelopele fa go se na phethogo; mme bao ba ba sa kgoneng go

fetola tlhaloganyo ya bona ga ba kgone go fetola sepe!

‘MME RE NTSE RE DIRA KA MOKGWA O!’

Polelo e ke puo e e kotsi tota. Mekgwa e mengwe ya kgale e siame

mme o tlhoka go sekaseka tlhotlhwa ya go dira dilo jaaka di ne di dirwa

mme wa botsa dipotso gore a ga go na mekgwa e mentshwa, e e farolo-

ganeng, e e leng botoka go dira. Go iphetola kgotsa go fetola maano a

gago ke tlhaselo, mme go dumela go tlwaela le go fetola mekgwa ke

go ipaakanya go dira tse dintshwa tse di tlhokiwang go aga bokamoso

bo bontshwa bo bo botoka. Phethogo e botlhokwa mme fa gongwe re

tlhoka go emanyana go sekaseka bophelo ba rona, kgwebo ya rona,

maikaelelo a rona mme le dikeletso tsa rona. Re tlhoka go ipotsa gore re

nagane eng mabapi le phethogo. Winston Churchill o kile a re: ‘Go toka-

fala ke go fetoga; go nna le bosenaphoso ke go fetoga gape le gape!’

GO UMA KA KGONO

Theo e e botlhokwa ya bolaodi ba kgwebo ya re: ‘Bogotlhe ba metswedi

ya batho le dilo tsa thulaganyo bo tshwanetse go dirisiwa ka mokgwa

o o tshwenetseng mme le ka nako e e rileng go rulaganya kumo e e

siameng ka tlhotlhwa e e kwa tlase’. Ke go re go nna seša le go tsentsha

phethogo ka nako e e rileng, e le sekao, go rulaganya thoto ya dijo tsa go

Bogotlhe ba metswedi ya batho le dilo

tsa thulaganyo bo tshwanetse go dirisiwa

ka mokgwa o o tshwenetseng mme le ka nako

e e rileng go rulaganya kumo e e siameng

ka tlhotlhwa e e kwa tlase.